Sephuthelo
O amogetswe mo Serising ya Temokerasi ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho. Serisi eno ke sete ya dikarata di le nne tse di tseegang le go buisega bonolo. Dikarata tseno di leka go go bontsha gore ditlhopho di go kgontsha go dira sengwe - sengwe se se botlhokwa tota. Ditlhopho ke thulaganyo e e tswelelang pele. Fa batho ba nna le seabe mo thulaganyong eno, ba tlhalosa gongwe go bontsha se ba se tlhokang gongwe ba se batla malebana le ntlha e e rileng.
Ka go tlhopha, o tlhalosa gongwe go bontsha se o se tlhokang gongwe se o se batlang. O tlhagisa boitlhophelo jwa gago.
Ditlhopho di simolola ka motho ka nosi - ka mantswe a mangwe, wena.
Go botlhokwa gore o tlhaloganye gore go tlhopha ke kgato e e maatla tota. Go botlhokwa tota gore o tlhaloganye tota gore o dira eng fa o tlhagisa boitlhophelo jwa gago. Re rata gore o akanye ka tshedimosetso e o tla e fitlhelang mo dikarateng, gore fa o setse o di buisetse tsotlhe, o tle o tlhaloganye sentle gore o botlhokwa jang mo temokerasing e tshwana le ya Aforika Borwa.
Mo dikarateng re go kopa gore o simolole ka go itebelela o le nosi, fa lo le babedi, o le mo lelapeng, mo mokgatlhong gongwe mo baaging. Go tloga moo, o tla lebelela Aforika Borwa, mme re go thuse go bona gore a o tlhaloganya gore wena o tsena fa kae mo dipopegotheong di tshwana le dioto (wards), makgotlatoropo, porofense le naga ya gaeno, e leng Aforika Borwa. Fa o setse o dirile seo, jaanong o tla bo o siametse go akanya ka gore o tsena fa kae mo Kontinenteng ya Aforika le mo Lefatsheng ka bophara.
Re dumela gore seno se tla go thusa go lebelela ditlhopho tsa Aforika Borwa ka tsela e e farologaneng. Re dumela gore ka nako e o tla bong o feditse ka dikarata tsotlhe, o tla bo bogolo o ikemiseditse go ka akanya gape ka boitlhophelo jwa gago jwa go nna le seabe gongwe go se nne le seabe mo ditlhophong.
Dikarata tse nne di akaretsa ditlhogo tse di latelang:
Temokerasi, ditshwanelo tsa botho le go tlhopha
Baemedi, go tsaya ditshwetso le go tlhopha
Dipolotiki le ditlhopho
Ditlhopho tsa dipusoselegae
Re solofela gore o tla itumelela go buisa ka ditlhogo tseno. Re lekile go go naya tshedimosetso ya botlhokwa go gaisa mo ditlhogong tseno, fela ga re a leka go akaretsa dintlha tsotlhetsotlhe. Gape re tlhophile tsela e e rileng ya go akanya malebana le ditlhogo tseno. Ga se yona tsela e le nosi fela. Le gale re dumela gore ke tsela e e mosola ya go lebelela dintlha tsa kitso tse di ka dirang phapang e kgolo mo botshelong jwa gago.
Yuniti ya Tlhabololo le Thuto ya Temokeasi ya Ditlhopho
Karata ya Z ya bo1: Temokerasi le ditshwanelo tsa botho
Akanya ka ga se!
Rotlhe re batla go nna le lefoko mo ditshwetsong tse di re amang. Re batla go nna karolo ya thulaganyo eo. Batho ga ba rate go ikutlwa e kete go mongwe yo o laolang matshelo a bona. Ga re rate rate fa batho ba tsaya ditshwetso tse di re amang mme re sa itse sepe ka seo. Bontsi jwa rona bo rata go nna karolo ya thulaganyo eo. Go batho bangwe ba ba reng ga ba batle go nna le seabe, fela go tla nako nngwe mo botshelong jwa bona moo ba utlwang sengwe mo ditlhogong tsa bona, mme ba simolole go botsa, "Ke ne ke le kae fa go tsewa tshwetso eo?"
Mo temokerasing, ditshwetso di tsewa ke BOTLHE ba ba amegang, e ka nna ka tlhamalalo gongwe e seng ka tlhamalalo. Ela tlhoko gore re gatelela "BOTLHE". Re dira seno go gatelela ka moo mongwe le mongwe a leng botlhokwa ka gona!
Mme tota ke eng mongwe le mongwe a le botlhokwa jalo?
Karabo ya seno e bonolo moo tota o ka se keng wa akanya ka yona: Ka ntlha ya gore o gona! O motho! O wena! O gona! O na le tshwanelo ya go nna gona.
Tshwanelo ke eng? Tshwanelo ke sengwe se o ka se batlang. Ke sengwe se o nang le tshiamelo ya sona. Ditshwanelo tsa botho ke ditshwanelo tse o ka di batlang gonne o le motho. O na le tshiamelo ya tsona fela ka gore o le motho. Tlhokego e le nngwe fela ke gore o gona! Ga o tlhoke gore o bo o rutegile gongwe o humile. Ga go tlhokege gore o bo o nna kwa karolong e e riling ya lefatshe. Ga go tlhokege gore o bo o le wa mmala o o rileng.
O na le ditshwanelo tsa botho ka ntlha ya gore o motho - mme ga go tshwenye gore "motho" o tlhalosiwa jang. Ditšhaba tsa lefatshe tse e leng karolo ya Mokgatlho wa Ditšhabakopano di sa le di dumelana ka ditshwanelo tsa ntlha tsa batho bogologolo, ka ngwaga wa 1958.
A o akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe? Ee, nnete ke gore se gona: Tshwanelo nngwe le nngwe e o e batlang, tshiamelo nngwe le nngwe, e tla le maikarabelo a a tsamaelanang nayo! O bona sengwe, fela o tshwanetse go naya sengwe.
O setse o ithutile eng ka ga temokerasi go fitlha ga jaana?
Temokerasi ke thulaganyo e re e dirisang go tsaya ditshwetso tse di tsewang ke BOTLHE ba ba amiwang ke tshwetso eo, e ka nna ka tlhamalalo gongwe e seng ka tlhamalalo. Thulaganyo e ntse jaana:
E na le, bonnye, dikgato tse di latelang:
Fa o amiwa ke tshwetso e e yang go dirwa, o itse se o se tlhokang, batlang le go se eletsa.
O na le maikarabelo a go tlhagisa gongwe go bua ka se o se tlhokang, batlang, gongwe go se eletsa mo bathong ba le bona ba amiwang ke tshwetso e e yang go dirwa.
Batho botlhe ba ba amiwang ke tshwetso ba tshwanetse go lebelela le go sekaseka tse ba di tlhokang, batlang gongwe eletsang tse ba di tlhagisitseng. Jaanong, mmogo, lo ka sekaseka dikgonagalo TSOTLHE tse di gona.
Jaanong lo ka swetsa ka gore lo ya go dira eng. Ka mantswe a mangwe, lo tswetsa ka dikgato tse di latelang.
Jaanong lotlhe lo dumelana ka dikgato tse di latelang. Lo amogela dikgato tse di latelang.
Kwa bokhutlong, lo a di diragatsa. Lo dira se lo dumelaneng ka sona.
Boela kwa kgatong ya ntlha:
Boelang ka gale kwa kgatong ya ntlha gonne ditlhokego, tse di batlwang, le dikeletso di a fetoga. Batho ba a gola mme ba a fetoga. Ka jalo go tshwanetse ga nna ka gale le sebaka sa go amogela phetogo le kgolo! Ka nako nngwe le nngwe, boelang kwa kgatong ya ntlha gonne lo tlhoka go swetsa gore a tse lo di tlhokang, batlang, le go di eletsa di fetogile moo e bileng lo boneng e kete dikgato tse lo neng o di beile di ka se tlhole di dira.
Fa e le gore tse lo di tlhokang, batlang, eletsang di fetogile mo go kalo, gona lo tlhoka go boeletsa dikgato tsele gape.
Jaaka o ka bona, temokerasi ya nnete e tlhoka gore go dirwe ka natla. Gantsi re iphitlhela re raelesega go tsaya tselakhutshwane, me re re, "Bolelelang mongwe le mongwe gore a dire eng!" Fela akanya ka ga se. Go molemo go dira ka natla fa e le gore e tla re kwa bokhutlong o fitlhele gore tse o di tlhokang, batlang le go di eletsa e nnile karolo ya thulaganyo! A ga o dumelane le seo?
Goreng go le botlhokwa gore ke batlisise gore ke eng se ke se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa?
O na le maikarabelo a go itlhokomela. Ga gona ope yo o itseng gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa go go gaisa! Ka jalo, ee, o na le tshwanelo ya go nna mo lefatsheng mme o na le tshwanelo ya go nna motho yo o gaisang! Fela o tshwanetse go swetsa gore "go gaisa"go na le bokao bofe mo go wena! A seo ga se mogopolo o o itumedisang!
Ditshwanelo sa bana
Pele ga re ka tswelela pele, re rata go tlhagisa ntlha ya botlhokwa malebana le batho ba ba kgethegileng ba ba bidiwang bana. Mo dinageng tse dintsi, motho mongwe le mongwe yo o bogolo jwa dingwaga tse di ka fa tlase ga 18 o tsewa e le ngwana. Tumelano ya Ditshwanelo tsa Bana e sireletsa ditshwanelo tsa bana. Tumelano eno e na le tse di latelang:
Bagolo ba na le maikarabelo a go tsaya ditshwetso mo boemong jwa bana ba bona.
Bagolo ba tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di mo "dikgatlhegelong tsa ngwana".
Bagolo ba tshwanetse go kaela bana ba bona go ya ka seo ngwana mongwe le mongwe a nang le bokgoni jwa go se dira.
Seo se kaya eng tota? Se kaya gore fa bana ba godile mo go lekaneng gore ba ka nna le megopolo malebana le dilo tse di ba amang, bagolo ba tshwanetse go ba letlelela go tlhagisa megopolo ya bona. Gape bagolo ba tshwanetse go tsaya tsia megopolo ya bana fa ba tsaya ditshwetso mo boemong jwa bana. Fa bana ba ntse ba gola mme ba fatlhoga, bagolo ba tshwanetse go tsaya tsia megopolo ya bona thata.
Ka mantswe a mangwe, bagolo ga ba a tshwanela go pateletsa bana go dira se bona ba se batlang, go sa tshwenye gore ke eng se bana ba se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Mme bogolo bagolo ba tshwanetse go ruta bana tsela ya go tsaya ditshwetso tse di tla ba dirang batho ba ba gaisang, ditshwetso tse di tla tshwaelang mo goreng batho ba gaise. Bagolo ga se "beng" ba bana. Ba na le maikarabelo a go ba ruta TSELA ya go akanya, e seng gore ba akanye ENG. Ba na le maikarabelo a go godisa bana ka tsela e e tla dirang gore e nne batho ba ba ikemetseng ka nosi mme ba amogela gore batho ba bangwe ba na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa bona tsa go nna gona.
Temokerasi le ditshwanelo tsa botho di tsamaya mmogo
Mme jaanong fa e le gore batho botlhe ke beng ba lefatshe mme batho botlhe ba na le tshiamelo ya go itumela le go kgotsofala, re tlhagisa jang se re se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa ka tsela e e siameng e e sa utlwiseng ba bangwe botlhoko?
Fa tshwetso e ama batho ba se kae fela, gona batho bao ba tla itseela ditshwetso ka bobona. Ba tla tsaya ditshwetso ka tlhamalalo. Fa tshwetso e ama batho ba le mmalwa gongwe ditlhopha tse dintsi tsa batho, go bonako e bile go bonolo gore tshwetso e tsewe ke baemedi. Moemedi ke mongwe yo o mo tlhophang go tsaya tshwetso gongwe go dira sengwe mo boemong jwa gago. Ga o na le moemedi, o nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya tshwetso le fa e se ka tlhamalalo.
Re tlhopha jang baemedi bano? Sa ntlha re tshwanetse go botsa, "Ke motho gongwe setlhopha sa mofuta ofe se ke se ratang le go se ikanya gore se ka emela tse ke di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa?" Jaanong re tshwanetse go ipopa mme re tlhophe baemedi. Go tlhopha ke tsela ya go tlhagisa se re se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa.
Potso e e latelang ke ya gore, "Re tlhopha jang? Go latelwa thulaganyo efe?" Karabo e ikaegile ka bogolo jwa setlhopha le gore batho ba batla go tlhopha baemedi ba le kae. Fa setlhopha se le sennye mme batho ba batla go tlhopha moemedi a le mongwe fela, ba ka swetsa go tlhagisa tlhopho ya bona ka go tsholetsa diatla go supa motho yo ba batlang go mo tlhopha.
Mo karateng e e latelang re tla lebelela baemedi, go tsaya ditshwetso le go tlhopha ka botlalo. Nna le rona!
Karata ya Z ya bo2: Baemedi, go tsaya ditshwetso le go tlhopha
Mefuta e e farologaneng ya temokerasi
Mofuta A: Temokerasi ya tlhamalalo
Mo mofuteng ono wa temokerasi, go na le lona le se kae fela. Sekai e ka nna fa ba le babedi ba lona ba batla go tsaya tshwetso, go tshwana le: "Re ya go dira eng ka Lamatlhatso?" Tshwetso e le ama ka bobedi mme lona ka bobedi le tshwanetse go nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya tshwetso. Go botlhokwa go lebelela dintlha tsotlhe ka botlalo. Gantsi batho ba itlhaganelela go dira seno, mme ba feleletsa ba dirile dilo tse ba neng ba sa batle go di dira tota.
Mofuta B: Temokerasi e e seng ya tlhamalalo: temokerasi ya kemedi le go nna le seabe
Mo mofuteng ono go nna le batho ba le bantsi ba ba tlhokang go nna le seabe mo go tseyeng tshwetso. Gore go nne bonolo, ditshwetso di tsewa ke baemedi ba ba tlhophilweng. Seno ke se se bidiwang go nna le seabe e seng ka tlhamalalo gongwe temokerasi e e seng ya tlhamalalo. Temokerasi e e seng ya tlhamalalo e ka nna ya go nna le seabe gongwe ya kemedi.
Go fitlha ga jaana, re lebeletse tsela e e bonolo ya go tlhaloganya gore temokerasi ke eng. Re go bontshitse gore ditshwanelo tsa rona di re letlelela go nna le seabe mo thulaganyong ya go tsaya ditshwetso. Re buile gape gore ga o nna le seabe sa go tsaya ditshwetso e seng ka tlhamalalo, o dirisa baemedi go tsaya ditshwetso mo boemong jwa gago.
Wena le moemedi wa gago
Fa o tlhopha moemedi go tsaya ditshwetso mo boemong jwa gago, lo tshwanetse gore pele, wena le moemedi wa gago, lo tlhaloganye gore lo ya go nna le botsalano jo bo ntseng jang. O tshwanetse go botsa dipotso tse di popota malebana le botsalano, mme dipotso tseno di tshwanetse go arabiwa ka tlhamalalo le ka boikanyego.
Wena le moemedi wa gago lo tshwanetse go tlhaloganya le go dumelana ka gore go tla diragala eng fa mongwe wa lona a ka ikgatholosa tsholofetso gongwe tumelano. O tshwanetse go itse gore go tla diragala eng fa moemedi a sa dire se o mo kopang gore a se dire, gongwe a sa se dire ka tshwanelo. O ka rarabolola dintlha tseno ka go latela dikgato tse thataro tsa thulaganyo ya go goroga kwa tshwetsong ka ya temokerasi tse re buileng ka tsona mo Karateng 1.
Goreng re tlhoka kemedi?
Tla re lebelele ntlha e ya kemedi. Ipee mo seemong se o leng mo gare batho ba ba amilweng ke tshwetso e go tlhokegang gore e tsewe. O diragaditse seabe sa gago ka go itshiamisetsa go nna le seabe: O itse gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa.
Fela fa e le gore lotlhe lo ka leka go tsaya tshwetso mmogo, go ka tsaya sebaka se seleele. Thulaganyo eo e ka tlhakatlhakana. Ka jalo lo ka dira eng? Lo leka go dira gore go nne bonolo. Lo swetsa go tlhopha motho gongwe setlhopha se e emetseng tse di rileng tse di tlhokegang, batlegang gongwe go eletsega.
Kemedi e akaretsa eng?
Jaanong .o tshwanetse go akanya: Lo ka lebelela eng mo mothong gongwe setlhopheng se se lo emetseng? Jaanong motho yo, gongwe setlhopha se se tla itse jang gore ke eng se lo se tlhokang gongwe lo se batlang kamoso, beke e e tlang gongwe ngwaga o o tlang?
Go tswa mo go seno, re ka bona gore go na le dilo dingwe tse di tshwanetseng go dirwa.
Lo tshwanetse go supa motho gongwe setlhopha se se tla lo emelang.
Maphata otlhe (wena le moemedi) a tla tshwanela go dumelana ka gore lo tla netefatsa jang gore go fitlhelelwa ditsholofelo tsa lephata lengwe le lengwe.
Lo tla tshwanela gape go swetsa gore lo tla sekaseka jang tiragatso ya motho gongwe setlhopha se o se tlhophang.
Ka jalo, lo simolola ka go naya moemedi wa lona thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa lona. Seno se bidiwa taolelo. Fela lo tlhoka gape go dumelana ka gore lo tla tswelela jang go netefatsa gore moemedi wa lona o dirisa taolelo ka tshwanelo, ka moo lo solofetseng gore a dire ka gona.
Seno se kaya gore o tlhoka go itse sengwe malebana le mefuta e e farologaneng ya kemedi. Re tla bua ka mefuta e le mebedi: temokerasi ya kemedi le ya go nna le seabe.
Pharologano magareng ga temokerasi ya go nna le seabe le ya kemedi
Mo botsalanong jwa kemedi jo bo ikaegileng ka temokerasi ya go nna le seabe, tumelano magareng ga maphata a mabedi e ka lebega jaana:
Re go naya thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa rona. Ditshwetso tsa gago di tla re ama ka tlhamalalo mme re dumela gore o na le nnete mme re tshepa gore o kitla o tsaya ditshwetso tse di tla re utlwisang botlhoko. Re lebeletse gore o batle maikutlo a rona nako nngwe le nngwe fa o tsaya ditshwetso tse di tla re amang. Fa re sa kgotsofadiwe ke ditshwetso tse o di dirang mo boemong jwa rona, re ka tlhopha go naya mongwe o sele dithata tseo."
Ntlha ya botlhokwa mo taolelong eno ke efe? Ke ya gore go tlhalosiwa maitsholo a letsatsi le letsatsi a moemedi. Mo temokerasing ya go nna le seabe, baemedi ba dira mmogo le batho ba ba emetseng malebana le go tsaya ditshwetso tsa letsatsi le letsatsi.
Mo temokerasing ya kemedi, tumelano magareng ga maphata a mabedi e ka lebega jaana:
Re go naya thata ya go tsaya ditshwetso mo boemong jwa rona. Ditshwetso tsa gago di tla re ama ka tlhamalalo mme re dumela gore o na le nnete mme re tshepa gore o kitla o tsaya ditshwetso tse di tla re utlwisang botlhoko. Re lebeletse gore o batle maikutlo a rona mo dingwageng dingwe le dingwe tse pedi. Ka nako eo, fa re sa kgotsofadiwe ke ditshwetso tse o ntseng o di dira mo boemong jwa rona, re ka tlhopha go naya mongwe o sele dithata tseo."
Mo lebakeng leno, batho ba ba emetsweng ga ba nne le seabe ka tlhamalalo mo ditshwetsong tsa letsatsi le letsatsi. Mo ntlheng eno, taolelo e ntšhwafadiwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse pedi. Fela paka e ka nna khutshwane gongwe telele go ya fela jaaka maphata ka bobedi a tla bo a eleditse.
Ke eng se se tshwanetseng go akarediwa mo taolelong?
Ditaolelo tse pedi tse lo di lebeletseng, di bonolo tota, fela tsotlhe di bua ka go ikanyega le go nna le boammaaruri. Tsotlhe di bontsha tlotlo mo ditlhokegong tsa batho tsa go tswetsa ka se se ba diragalalelang gongwe se diragalela baagi.
Taolelo e tshwanetse gape go tlhalosa ka botlalo gore go tla diragala eng fa dilo di sa tsamaye jaaka go rulagantswe.
Gape taolelo e tshwanetse go tlhalosa gore maphata a mabedi a tla netefatsa jang gore tse di tlhokwang, batliwang gongwe go elediwa ke maphata ka bobedi di tla fitlhelelwa jang mo isagong, fa di ntse di fetoga le go tlhabologa. Seno ke kgang e e senang bokhutlo! Fela e ikaegile ka ntlhatheo ya gore batho ba ka swetsa ka gore ba diragalelwa ke eng. Re na le maikarabelo a go sireletsa tshwanelo eno.
Re solofela gore jaanong o itse go le gontsi malebana le mefuta e e farologaneng ya temokerasi le mefuta e e farologaneng ya kemedi. Re solofela gape gore o tlhaloganya gore temokerasi e kaya gore re tshwanetse go itse gore go diragala eng mo lefatsheng la rona. Temokerasi ga e kaye go tlhopha fela. E tshwanetse go feta go tlhopha.
Re tlhoka go tlhokomela se se diragalang, go tlhola se se dirwang ke baemedi ba rona.
Re tshwanetse go ithwesa maikarabelo, rona le baemedi ba rona.
Morago ga paka e e rileng, re tshwanetse go sekaseka taolelo e re e nayang baemedi ba rona, mme re swetse gore a ke re a e ntšhwafatsa.
A re dirile gore o akanye? Nama o eme foo, mme o emele karolelo e e latelang!
Karata ya Z ya bo3: Dipolotiki le ditlhopho
Jaaka o setse o bone, go dira thulaganyo ya go tsaya ditshwetso ka tsela ya temokerasi ga go marara jalo. Fela, fa o setse o leka go diragatsa thulaganyo eo, go nna le dilo di le dintsi tse di tlhagelelang. Ke gona fa go simololang go nna boima gona!
Jaanong, tlaya re boeletse thulaganyo:
Thulaganyo ya go Tsaya Ditshwetso ka tsela ya Temokerasi :
Kgato 1: Fa o amiwa ke tshwetso e e yang go dirwa, o itse se o se tlhokang, batlang le go se eletsa.
Kgato 2: O na le maikarabelo a go tlhagisa gongwe go bua ka se o se tlhokang, batlang, gongwe go se eletsa mo bathong ba le bona ba amiwang ke tshwetso e e yang go dirwa.
Kgato 3: Batho botlhe ba ba amiwang ke tshwetso ba tshwanetse go lebelela le go sekaseka tse ba di tlhokang, batlang gongwe eletsang tse ba di tlhagisitseng. Jaanong, mmogo, lo ka sekaseka dikgonagalo TSOTLHE tse di gona.
Kgato 4: Jaanong lo ka swetsa ka gore lo ya go dira eng. Ka mantswe a mangwe, lo tswetsa ka dikgato tse di latelang.
Kgato 5: Jaanong lotlhe lo dumelana ka dikgato tse di latelang. Lo amogela dikgato tse di latelang.
Kgato 6: Kwa bokhutlong, lo a di diragatsa. Lo dira se lo dumelaneng ka sona.
Boela kwa kgatong ya ntlha nako nngwe le nngwe fa tse o di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa difetoga!
Kgato ya ntlha mo thulaganyong e utlwala e le bonolo, mme seno ke go fitlhelela o ema mme o e akantshisa. Go ithuta "go bua nao" gore o feleletse o itse sentle gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa ga go bonolo. Le gale seo se batla wena o le nosi fela. Akanya fela gore go ka diragala eng fa o ne o tshwanetse go lebelela go feta wena. Seo e ka nna tiro e popota tota!
Se re se kayang fano ke gore tota fa re batla go bona temokerasi ya rona e dira, rotlhe re na le maikarabelo a go itsamaisa. Mme re tshwanetse go diragatsa maikarabelo ao.
Motho a le mongwe ke karolo ya setšhaba
Karolo e nnye go gaisa ya popegotheo ya loago, ke motho ka nosi. Fa o akanya ka motho a le nosi, mo tseye jaaka setena sa kago e kgolo e e marara. Setena seno se tshwaragana le ditena tse dingwe go dira sebopego mme kwa bokhutlong se dira lebota. Kwa ntle le lebota leno, go ne go ka seke ga nna le kago. Ka mantswe a mangwe, se re se tlhalosang ke gore motho a le mongwe ke karolo ya botlhokwa ya kago ya setšhaba sengwe le sengwe.
Ke eng gape se e leng karolo ya setšhaba? Re tla leka go araba potso eno ka go lebelela pele "diyuniti" tsa setšhaba. Tsona di bidiwa "dikarolo tsa setšhaba".
Dikarolo tsa setšhaba
Batho ka bongwe ka bongwe ba a kopana mme ba nne balekane gongwe sebedi - e ka nna ditsala. Mme jaanong ba tlhame malapa - mefuta yotlhe ya malapa. Jaanong malapa a tlhame mekgatlho mme mekgatlho e tlhame setšhaba. Go tswelela fela jalo go fitlhelela re nna le dinaga le dikontinente! Fela go simolola ka motho ka nosi, mme fa batho ba ba mo setšhabeng ba sa itumela, gongwe ba sa itse boleng jwa bona mo karolong e kgolo, lefatshe e ka nna lefelo le le sa itumediseng gotlhelele!
Ditlhopha (Dikopano)
Le fa re le batho ba ba farologaneng, re nna re le karolo ya kopano gongwe setlhopha. O setse o utlwetse ntlha ya gore "motho ke motho ka batho ba bangwe". Ee, tota ga go ope yo o ka iphetsang. Tota le fa o dira dilo ka bowena, o tshwanetse go akanya ka batho ba bangwe. O ka tlaila fa o opela gongwe wa kgweetsa sejanaga sa gago ka fa letlhakoreng le le sa siamang mo tseleng fa o batla. Fela o tshwanetse go solofela gore batho ba ka seke ba kgatlhega, mme e bile o ka iphitlhela o le mo mathateng le bamolao. Seno se bontsha gore motho yo mongwe le yo mongwe ke karolo ya setlhopha.
Tlaya re kgaotseng go se nene mme re akanye ka kgato 2 mo thulaganyong. O tshwanetse go bua ka se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Mme jaanong go latele dikgato 3 le 4. Ke eng se o tlhokang go se tlhaloganya gore o kgone go atlega mo dikgatong tseno?
Ka gongwe o setse o lemogile gore ka dinako dingwe, fa o le mo gare ga setlhopha mme o leka go tlhagisa maikutlo a gago (e ka ne e le se o se tlhokang gongwe se o se batlang), go ka nna boima gore o latlhele la gago. Gongwe o dule mo seemong seo o ikutlwa e kete "dintlha" tsa gago ga di a tsewa tsia. Jaanong, go diragala eng mo mabakeng a a jaana?
Jaanong ke gona fa re lebelelang dipolotiki le maatla.
Dipolotiki le maatla
Motho mongwe le mongwe o na le maatla. Seno ke polelo e e bonolo thata, fela ke polelo ya botlhokwa. Motho mongwe mongwe o na le maatla. Re na le maatla gonne re le gona, gonne re ka tlhopha le ka ntlha ya mabaka a mangwe a le mantsi. Jaaka motho, o ka tlhopha go itsholela maatla a gago. Gape o ka tlhopha go naya motho yo mongwe maatla a gago gongwe wa a naya setlhopha sa batho. O ka ba naya maatla a gago gore ba a go a dirisetse gongwe ba a dirise nao.
Go kgobokanya maatla a a farologaneng
Go aga ditlhopha gongwe dikopano tsa loago go amana thata le "go kgobokanya maatla a a farologaneng". Fa batho ba "kgobokanya" sengwe, ba tlisa se ba nang naso mmogo mme ba se dirisa mmogo gore ba kgone go fitlhelela phitlhelelo e e rileng. Seo ke sona se batho ba se dirang tota fa e nna karolo ya stokvel gongwe setlhopha sa go boloka madi - ba kgobokanya madi a bona. Re dira selo se se jaana fa re lemogile gore bobedi bo bolaya noga.
Fa re batla go atlega mo go kgobokanyeng maatla a rona, re tshwanetse go bona batho ba bangwe ba ba setseng ba na le dilo tse ba di tlhokang, batlang gongwe go di eletsa tse di tshwanang le tsa rona. Mokgwa o mongwe ke wa go netefatsa gore batho ba batla le go tlhoka se re se batlang gongwe go se tlhoka. Gore go fitlhelelwe seo, motho o tshwanelwa ke go fetola tse a di tlhokang gongwe go di batla, gongwe go lemosa ba bangwe gore ba fetole tse ba di tlhokang le tse ba di batlang. Go dira seno go a amogelesega mo temokerasing.
Go na le tsela e nngwe ya bobedi. O ka leka go pateletsa batho go fetola tse ba di tlhokang le tse ba di batlang. O ka dirisa matshosetsi otlhe, go akaretsa go tshosetsa go senola diphiri gongwe go dira sengwe fa ba sa dire jaaka o ba laela.
Dikopano tsa maatla
Go sa tshwenye gore a lo tlhopha tsela ya ntlha gongwe ya bobedi, se lo se dirang ke go tlhama semphato se se bidiwang kopano ya maatla. Setlhopha sa bolotloa ke kopano ya maatla e e dirwang ke batho ba ba tlhakanetseng kgatlhego ya bolotloa. Mokgatlho wa badiri ke kopano ya maatla e e dirwang ke batho ba ba tlang go samagana le merero ya bodiri mmogo. Makoko a dipolotiki le ona ke dikopano tsa maatla. Go le gantsi ditokololo tsa mokgatlho wa sepolotiki di tlhakanetse megopolo le dintlhatheo dingwe.
Tiriso le karolelano ya maatla e bidiwa "dipolotiki"
Dikopano tsa maatla di ka tlhagisa boitlhophelo jwa tsona mmogo. Ka mantswe a mangwe, ba ka tlhopha mmogo. Ba ka dira mmogo go fitlhelela maikemisetso a bona e le setlhopha. Rona batho ba Aforika Borwa re kopano ya maatla. Go na le dilo tse dintsi tse di re kopanyang. Gatwe, "Rona batho ba Aforika Borwa, re dumela gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba nnang mo go yona, RE TSHWARAGANE ka dipharologano tsa rona."
Ditlhopho le maatla
Dikopano tsa maatla di amana jang le go tlhopha le ditlhopho? O ka ne o kile wa utlwa batho ba re ditlhopho ke ona motheo wa temokerasi. Seo se kaya eng tota? Tlaya re bone:
Re kaile gore dikarolo tsa loago di dirwa ke batho. Mongwe le mongwe wa batho bao o na le tse a di tlhokang le tse a di batlang. Fa go na le batho mo karolong ya loago, ba nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso ka baemedi ba bona.
Gape re kaile gore kgato e nngwe mo thulaganyong ya temokerasi e akaretsa go swetsa ka kgato e e tla latelwang. (Seno se diragala mo kgatong 4). Gape batho ba tshwanetse go dumelana ka gore ba tla tlhagisa jang tlhopho ya bona. Fa lo swetsa go dirisa moemedi yo o tla lo tseelang ditshwetso, lo naya moemedi yoo maatla a lona. Moemedi wa lona a ka dirisa maatla ao, a e leng a lona, a lo a dirisetsa gongwe a a dirisa le lona. Seo ke tlhopho ya lona.
Seno se akaretsa dilo di le dintsi, mme lo tshwanetse go kgona go di tsamaisa tsotlhe. Gore lo kgone seo, lo tlhoka ditsamaiso le dithulaganyo.
Ditsamaiso tsa ditlhopho
Fa batho ba tlhagisa ditlhopho tsa bona malebana le ditshwetso tse di tla amang setheo sa loago se segolo gongwe se se marara, ba tlhoka tsamaiso ya ditlhopho e e tla ba thusang go tsamaisa tsela e ba tlhagisang tlhopho ya bona ka yona.
Go naya sekai, lo ka dumelana gore mongwe le mongwe o tla amogela tshwetso e e amogela diboutu tse dintsi. Seno se bidiwa tsamaiso ya bontsi, gonne tshwetso e tsewa ke bontsi jwa batho. Tota le batho ba ba neng ba tlhophile sengwe se sele, ba tshwanetse go amogela tshwetso ya bontsi. Fa lo dumela go dira ka tsela e nngwe, gona tsamaiso e bidiwa tsamaiso ya bonnye. Gape lo ka nna le tsamaiso ya tsamaiso ya go ineela moo e leng gore go amogelwa tshwetso ya bontsi, fela go tsewa tsia tse di tlhokwang le go batlwa ke bonnye.
Fa lo tlhopha moemedi, lo ka dumelana gape ka gore motho yo o bonang diboutu tse dintsi ke ena mofenyi. Tsamaiso e bidiwa tsamaiso ya mofenyi o goboka gotlhe (winner-takes-all) gongwe tsamaiso ya wa ntlha go goroga (first-past-the-post). Tota tsamaiso eno ke ya bontsi. Motho yo o bonang diboutu tse dintsi e nna moemedi mme o amogela taolelo go tswa mo bontsing.
Ditlhopha dingwe ga di rate ditsamaiso tseno. Batho ba ba mo ditlhopheng tseno ba lemoga gore go na le tse dintsi tse di tlhokwang le tse di batlwang magareng ga bona. Ba rata go bona tsela ya go re dipharologano tsa bona di nne di le gona. Ba dirisa tsamaiso e e bidiwang kemedi ya tekatekano.
Mo lebakeng leno, lo tshwanetse go lebelela pele gore lo batla go nna le baemedi ba le kae ba ba emelang setlhopha. Jaanong lo lebelela gore ke batho ba le kae ba ba batlang selo sengwe, ke ba le kae ba ba batlang sengwe se sele, jalo le jalo. Lo kgaoganya setlhopha ka ditlhophanyana tseno, mme lo lekanyetse kabelo ya setlhotshwana sengwe le sengwe mo setlhopheng se segolo. Go naya sekai:
Palogotlhe ya setlhopha sotlhe = 100%
Ba ba batlang X = 50%
Ba ba batlang Y = 30%
Ba ba batlang Z = 20%
Jaanong lo lebelela gore setlhotshwana sengwe le sengwe se tla nna le baemedi ba le kae. Setlhotshwana se se batlang X se tla bona 50% ya baemedi. Setlhotshwana se se batlang Y, se tla bona bokana ka 30% ya baemedi, mme setlhopha se se batlang Z, se tla bona bokana ka 20% ya baemedi. Ka mantswe a mangwe, ba ba nang le kopano e kgolwane ya maatla ba nna le kemedi e kgolwane. Ba ba nang le kopano e potlana ya maatla ba nna le kemedi e potlana.
Kemedi ya tekatekanyo ke tsamaiso e e rotloetsang go nna le dipharologano.
Ga re ise re bue ka mesola le dithapolo tsotlhe tsa ditsamaiso tseno, fela re solofela fa se re setseng re se buile se lekane go go lemosa gore go tlhagisa tlhopho ya motho ka nosi go botlhokwa tota. Tlhopho ya gago e na le mosola! O ka dirisa mosola wa yona ka go nna le seabe.
Dithulaganyo tsa ditlhopho
Fa lo sena go dumelana ka tsamaiso, lo tlhoka go tlhopha gore ke mangy o o tla tsamaisang tsamaiso - motsereganyi. Jaanong lo tla tshwanelwa ke go dira dithulaganyo dingwe. Go naya sekai:
Lo tlhoka thulaganyo ya go lekanyetsa bogolo jwa setlhopha sa batho ba ba tla amiwang ke tshwetso. Ke bomang? Ba fitlhelwa kae? Ba fitlhelelwa jang?
Lo tlhoka dithulaganyo gore batho ba tle ba tlhagise gore ba a amega.
Go tshwanetse ga nna le dithulaganyo tse di tlhalosang ka botlalo gore ba tla supa jang tlhopho ya bona, lo tla bala jang ditlhopho tsa bona le gore lo tla swetsa jang gore dipalogotlhe di kaya eng.
Lo tlhoka dithulaganyo gore lo kgone go itsise batho ka dipholo.
Mo Aforika Borwa, ditlhopho tsa bosetšhaba, porofense le tsa selegae di tsamaisiwa ke Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho - IEC. Khomišene ke motsereganyi magareng ga batho le makoko a sepolotiki a a gaisanelang ditlhopho. Khomišene e dira gore go nne le dithulaganyo tse di dirang gore batho botlhe mo nageng ba nne le seabe mo go tlhopheng baemedi. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho e kwadisa makoko a sepolotiki mme e netefatsa gore otlhe a na le matshwao a a farologaneng a a kgonang go a supa. Gape Khomišene e kwadisa batho ba ba batlang go gaisanela ditlhopho. Bona re ba bitsa bontlhopheng. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho ga e swetse ka tsamaiso ya go tlhopha. Fa go setse go na le tsamaiso, yona e tlhokomela gore e dira sentle.
Mo karateng e e latelang ya bofelo, re tla lebelela pusoselegae le ka moo temokerasi ya go nna le seabe e dirang ka gona mo Aforika Borwa. Emela karolo yay bofelo!
Karata ya Z ya bo4: Ditlhopho tsa pusoselegae
Mo karateng eno, re lebelela Aforika Borwa jaaka setheo sa loago. Totatota re lebelela pusoselegae mo Aforika Borwa.
Mo Aforika Borwa, re arogantse puso ya rona ka magato a le mararo - la bosetšhaba, porofense le la selegae. Magato ano a golagane (lebelela setshwantsho). Legato lengwe le lengwe le na le maikarabelo gongwe ditiro tsa lona. Maikarabelo mangwe a aroganngwa ke magato a bosetšhaba le a porofense, mangwe a aroganngwa ke magato a porofense le a selegae, fa mangwe ona a aroganngwa ke magato a selegae le a bosetšhaba. Go na le maikarabelo mangwe a a arogannwang ke magato otlhe. Kamano e e magareng ga magato a puso e bidiwa go ikaega mmogo (intradependence). Ga gona legato le le botlhokwa go gaisa le lengwe. Mmogo, a netefatsa gore Aforika Borwa e nna temokerasi e e maatla, e e tlhaga. Lengwe le lengwe le na le seabe sa lona.
Setshwantsho:
Temokerasi ya rona ke ya kemedi mo magatong a bosetšhaba le a porofense. Re tlhopha baemedi ba rona (go tswa mo go lengwe la makoko a sepolotiki) go tsaya ditshwetso tse di re amang. Re na le tshono ya go lebisisa taolelo eno gape morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Mo legatong la selegae, re na le temokerasi ya go nna le seabe. Go na le dithulaganyo tse dintsi tsa go netefatsa gore baemedi ba lona mo pusoselegaeng ba dira le lona mo thulaganyong yotlhe ya go tsaya ditshwetso. Gore re nna tlhaga jang mo seabeng sa go tsaya ditshwetso go susumetsa ka moo re itemogelang matshelo a rona ka gona.
Go na le batho ba le dimilione di ka nna 45 ba ba nnang mo Aforika Borwa. Ga gona gore rotlhe re ka nna le seabe ka tlhamalalo mo go tseyeng ditshwetso kwa legatong la bosetšhaba, tota le fa e le la porofense. Mo magatong ano a puso, se se ka nnang botoka ke gore re nne le seabe ka baemedi. Mo legatong la pusoselegae gona, temokerasi ya rona ke ya go nna le seabe. Mme tota goreng lo tshwanetse go nna le seabe mo pusoselegaeng? Goreng lo tshwanetse go kgathala?
Maikarabelo a pusoselegae
Pusoselegae e rwele maikarabelo a go tlamela baagi ba selegae ka ditirelo. Seno se kaya gore pusoselegae e tshwanetse go netefatsa gore baagi ba selegae ba na le ditirelo tsa ntlha.
Pusoselegae e dirwa ke makgotlatoropo. Lekgotlatoropo le busiwa ke lekgotla/khansele. Lekgotla le dirwa ke bakhanselara ba ba tlhophilweng le batlhankedi bangwe ba ba kopanang go buisanela maano a go tlamela lefelo ka ditirelo. Bakhanselara ba dira dipholesi le maano a go tlamela ka ditirelo. Batlhankedi ba tshwanela ke go tlamela batho ka ditirelo. Go na le mefuta e e farologaneng ya batlhankedi. E ka nna baoki ba kwa tleleniking, babalatlotlo, bakwaledi, ditlelereke, baolela matlakala, jalo le jalo. Bakhanselara ba a tlhophiwa (ke baemedi ba batho). Batlhankedi ba direla lekgotla. Ba thapiwa fela jaaka modiri mongwe le mongwe.
Ke ditirelo dife tsa ntlha tse dipusoselegae di tshwanetseng go tlamela ka tsona? Dikai dingwe di a latela:
metsi le motlakase go tlosa matlakala kgelelo ya leswe go aga le go tlhokomela ditsela tsa lekgotlatoropo go laola ditirelo tsa dipalangwa tsa lekgotlatoropo go tsamaisa ditirelo tsa boitekanelo tsa lekgotlatoropo go tlhokomela diteišene tsa ditimamolelo, mebaraka, matlhabelo, le mabitla go tsweletsa bojanala
Fa o akanya ka nngwe le nngwe ya ditirelo tseno, o tla lemoga gore maikaelelo a pusoselegae ke go tlamela ka ditirelo tse rotlhe re di tlhokang go nna re itekanetse, re itumetse.
Temokerasi ya go nna le seabe mo pusoselegaeng
Ka ntlha ya fa rotlhe re ka seke ra nna le seabe ka tlhamalalo mo go tseyeng ditshwetso tse di re amang, re tlhopha baemedi gore ba re direle seno mo magatong otlhe a mararo a puso. Mo pusoselegaeng, baemedi ba rona ke batho ba re ba bitsang bakhanselara. BAtho bano le batlhankedi ba makgotlatoropo, ba dira mmogo le rona gore ba tle ba fitlhelele ditlhokego tsa rona tsa ntlha.
Mo Aforika Borwa, kitso ke gore pusoselegae e dirisa temokerasi ya go nna le seabe. O ka tlhaloganya gore ke eng go le jalo: Pusoselegae e rwele maikarabelo a dintlha tse di re amang letsatsi le letsatsi. Seno ke dintlha tse re di bitsang dintlha tsa botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Seno se dira jang? Akanya ka dikarolo tsa loago tse di agang lekgotlatoropo: motho ka nosi, ditlhopha tsa bobedi, malapa, mekgatlho le baagi. Baagi ba rulaganngwa ka dioto, mme mo Aforika Borwa, dioto di kopanngwa go dira dikgaolo. Ditoropo tse dikgolo di bidiwa Makgotlatoropo a Metro.
O nna jang le seabe mo pusoselegaeng?
Batho bangwe ba ba nnang mo Aforika Borwa ba na le tshwanelo ya go tlhopha, mme ba bangwe ga ba na yona. Fa o tlhopha, o nna le seabe mo pusong, mme le fa o sa kgone go tlhopha, o ntse o ka nna le seabe. Seno se kaya gore le fa o ka seke wa kgona go tlhopha, o ntse o na le maikarabelo a go netefatsa gore ba ba kgonang go tlhopha ba itse gore ke eng se o se tlhokang, batlang gongwe go se eletsa. Seno se botlhokwa gonne ditlhopho tse ba di dirang di tla go ama. Ka jalo, o tshwanetse go bona tsela ya go netefatsa gore go tsewa tsia tse o di tlhokang gongwe o di batla. O tshwanetse gape go nna le seabe sa go netefatsa gore tikologo le naga yotlhe e letlelela gore mongwe le mongwe a kgone go tlhagisa megopolo ya gagwe ka kgololesego.
Temokerasi ga e khutle fa batho ba sena go tlhopha. Re tshwanetse go tswelela go swetsa gore ke eng se re se tlhokang le gore a mme seo se a fitlhelelwa. Mo pusoselegaeng, mogopolo wa temokerasi ya go nna le seabe ke wa gore o ka nna karolo ya thulaganyo ya go swetsa gore go ya go dirwa eng, kae, le gona jang.
A o ntse o dira seno? Kgotsa o fetiseditse maatla a gago go mongwe yo e bileng le go mo itse o sa mo itse? Fa e le gore go jalo, gona re solofela gore serisi eno e go rotloeditse go akanya ka dikgato tsa gago le dipoelo tsa dikgato tsa gago.
Fa o tlhopha, o dira letshwao la gago. O dira gore lentswe la gago le utlwale! Boutu ya gago e naya moemedi wa lekoko taolelo ya go tsaya ditshwetso ka dintlha tsa botlhokwa.
O ka dirang gore o nne le seabe?
Ikwadise jaaka motlhophi. Netefatsa gore leina la gago le mo Lenaaneng la Batlhophi. Seno ke yona tsela ya go nna karolo ya thulaganyo ya go tsaya ditshwetso tse di amang botshelo jwa gago ga jaana le mo isagong.
Mekgwa e re e simololang re sa ntse re le bannye, di gola le rona go fitlha re nna bagolo. Ikwadise mme o tlhophe jaanong mme o tle o nne le netefatso ya gore kamoso, fa o setse o le mogolo, Aforika e tla nna temokerasi e e maatla le go feta.
Fa o ka nna o butse matlho, o le kelotlhoko mme o na le seabe, o nna le tshwanelo ya go botsa: "Ke ne ke le kae fa go ne go tsewa tshwetso eo?"
Tia mooko gore o tseye kgato!
Re lebogela nako e re e aroganeng nao! Aforika Borwa key a gago le wena! Dira jaaka motho yo o itseng seo!
